|
TSWANA
DITSHWANELO tsa bana
NGWANA KE MANG?
Ngwana ke mongwe le mongwe yo o ka fa
tlase ga dingwaga di le 18.
Molao o mogolo wa Afrika Borwa e leng
moalotheo, o netefaletsa gore botlhe ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di
le 18, ba na le ditshwanelo tsa bana. Ka jalo bana botlhe mo Afrika Borwa,
go akarediwa le bana go tswa kwa dinaga tse dingwe, ba na le ditshwanelo.
KE DITSHWANELO DIFE TSEO BANA BA NANG
LE TSONA?
- Bana ba na le ditshwanelo tsa go nna
bana.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa go
tlhokomelwa ke batsadi ba bona, balelapa le batho ba ba abelanang ka
tlhokomelo.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa go newa
dijo tse di siameng gore ba nne ba itekanetse.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa
tlhokomelo e e kgonagalang yaboitekanelo fa ba bobola.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa go
sirelediwa kgatlhanong le dikgobalo, go nna le bonno le go ikutlwa ba
babalesegile.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa thuto.
- Bana ba ba golofetseng ba na le
ditshwanelo tsa go newa tlhokomelo e e kgethegileng.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa go buwa
le go reediwa.
BANA BA NA LE DITSHWANELO TSA GO
SIRELEDIWA
- Puso go akarediwa le SAPS, e
tshwanetse ya dira sengwe le sengwe se e ka se kgonang go sireletsa bana
go tswa mo bathong ba ba utlwisang botlhoko go akarediwa le batsadi ba
bone.
- Puso e tshwanetse go thusa bana
kgatlhanong le mefuta yotlhe ya go ketikiwa , go utlwisiwa
botlhoko mo tlhaloganyong, go gobadiwa kgotsa go sotliwa.
- Bana ba ba nang le mathata le molao,
ba na le ditshwanelo tsa go newa tlhokomelo e e kgethegileng.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa go
sireletswa mo maemong a go nang le tiriso-dikgoka.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa go
sireletswa kgatlhanong le go itlhokomolosiwa, go sotliwa mmogo le
otlhaiwa go gotseneletseng ke batsadi le batlhokomedi.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa go
tshameka le go se dire ditiro tsa bagolo, go sireletswa kgatlhanong le
go dira ba santse ba le bannye le go gapeletswa go direla ba bangwe madi.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa go
sireletswa kgatlhanong le mekgwa yotlhe ya thobalano mmogo le go
sotlakakiwa ka thobalano.
- Bana ba na le ditshwanelo tsa go
sireletswa kgatlhanong le didiriswa tse di botlhole le diritibatsi. Bana
ba tshwanetse go sireletswa mo go dirisetsweng go dira kgotsa go rekisa
diretebatsi.
GO SOTLA BANA KE ENG?
Tshotlo ka thobalano
- Go gapeletsa ngwana go go kgoma.
- Go bontsha ngwana ditshwantsho tse di
ka ga thobalano.
- Go kgoma ngwana fa a sa rateng go ka
kgomiwa fa go se matshwanedi.
Go ketekiwa
- Go betsa kgotsa go utlwisa ngwana
botlhoko, gongwe go ntshetsa mathata a gago mo ngwaneng.
Go sotla mo moweng
- Go tshwenya, go tshosetsa kgotsa go
omanya ngwana.
Go tlhokomologa
- Go se tlhokomele ngwana sentle, sekao
go se mo tlhapiseng, go sa mo apeseng le go mo fepa.
BANA BA NA LE DITSHWANELO TSA GO
TLHOKOMELWA LE GO IKUTLWA BA SIRELETSEGILE
- Go le gantsi batlhokofatsi ba a
itsagale mo ngwaneng. E ka nna batho bao ba dirisang maemo a bone a
botshepegi ka go sotla bana e tswa ba tlamega go ka bo ba sireletsa bana.
E ka tswa e le batsadi, maloko a mangwe a lelapa, ditsala kgotsa
baagisani. Fela seno ga se kae gore botlhe ba o ba leng mo maemong a
botshepegi ba sotla bana.
- Bana ba nna mo maemong a a kotsi
gantsi mo bokhutlong jwa beke le ka malatsi a boikhutso fa bana ba le
nosi kwa gae.
- Batsadi kgotsa batlhokomedi ba
tshwanetse go nna ba ntse ba itse gore bana ba bona ba kae le gore ba na
le bomang.
- Ka dinako tsotlhe batsadi le
batlhokomedi ba tshwanetse go dira tsotlhe se di mo dikgatlhegelong tsa
ngwana.
- Tshireletsego ya ngwana ngwana go
simolola kwa lapeng, ka lelapa la mongwe le mongwe.
LEANO LA PABALELO YA BANA
Bolelela mongwe:
- Fa o ikutlwa o tshosetsegile, bolelela
mongwe yo o mo tshepang.
- Se letle tshotlo go nna sephiri
magareng ga gago le motho yo o go sotlang.
- Fa mongwe a setse a go sotlile, se mo
sireletse, itshireletse mme o bege ka tiragalo eo.
- Fa o bona o sa dumelwe, bolelela
mongwe. E ya kwa tleleniking mme o bolelele mooki yo o tshwanetseng go
tsaya kgato. O ka bega go sotliwa kwa seteisheneng sa mapodise kgotsa wa
kopa morutabana yo o ka mo tshepang go go thusa go bega. O ka leletsa
gape mogala o o sa duelelweng wa Childline mo nomorong ya 0800 05 55
55.
Tswelela go bolelela batho ka ga se se go
diragaletseng go fitlha mongwe a go dumela le go tsaya dikgato go go
sireletsa
NNA KELO-TLHOKO, BABALESEGA
- Itse ka ga ditshwanelo tsa gago jaaka
ngwana.
- O na le ditshwanelo tsa go GANA go
motho yo o dirang kgotsa go bua sengwe se o ikutlwang se sa siama ( tota
le batsadi ba gago ). Seno se tla akaretsa le motho yo o lekang go kgoma
mmele wa gago kgotsa a dira kopo ya dilo tseo di sa go itumediseng.
- Buisa ka dilo tse o sa di
tlhaloganyeng jaaka; thobalano, bolwetsi jwa AIDS, gore masea a belegwa
jang?, go sotliwa mo moweng le go ketekiwa? Ga o a tshwanela go tshoga
kgotsa go tlhabiwa ke ditlhong go botsisa dipotso ka ga dilo tse. O ka
botsisa batsadi ba gago, barutabana kgotsa mogolo mongwe yo o mo
tshepang ka ga dilo tse, kgotsa o ka leletsa Childline.
Ngwana yo o kelo-tlhoko, ke ngwana yo o
sireletsegileng sentle.
Ithate
- Tlhokomela mmele wa gago, ke wa gago
botshelo jotlhe jwa gago.
- Itlotle mme o tlole le ba bangwe.
- Tsaya tsia botshelo jwa gago - o
kgethegile.
Nna motlotlo ka wena
- Mosetsana kgotsa mosimane, mohumi,
mohumanegi, motho a bopame kgotsa a akotse, a le moleele kgotsa ale
mokhutshwane, nna o ntse o le motlotlo.
- O seke wa ineela mo kgatelelong go
tswa kwa ditsaleng kgotsa mongwe fela. Itshetlege mo melawaneng ya gago.
- Itse tekanyetso ya gago le go tlotla
tekanyetso ya ba bangwe.
- Basetsana le basimane, itshireletseng
mme le babalelane go se se siameng.
- Fa o sotlilwa ga e kake ya nna phoso
ya gago - Batho ba ba sotlang ba tla leka go tshwaya wena phoso mo
maitekong a go go tlogedisa go bolelela ba bangwe ka ga tshotlo.
- Gakologelwa, go thibela bosenyi
kgatlhanong le bana, ke maikarabelo a mongwe le mongwe.
FA O LE MOTSWA-SETLHABELO KGOTSA O
BELAELA GORE NGWANA O A SOTLIWA, LELETSA TIRELO YA MAPODISE A AFORIKA
BORWA:
|